Froggy Jumps Maele le diane tsa setswanaOnline version Tlhokomelo ya go tsaya tlhatlhobo ye, e tshwanetse go dirisana le maele le diane tsa setswana. by Onkemetse Lesemela 1 Setsetsi se bolawa ke namane a Motsadi o ka tsenngwa mo mathateng ke ngwana. b Motsadi o lwatswa ke ngwana wa gagwe. c Motsetsi o tlhokana le mashi a mantsi 2 Molomo o o ja o a be o roga o mongwe a Fa motho a a ja, a seka a ja a le nosi, a fe ba bangwe b Bahumi ba rata go timana dijo c Fa motho a a ja, o dira gore ba bangwe le bone ba eletse se a se jang. 3 Mosima wa matlhaelathupana, se ileng se a be se ile, lesilo ke moselatedi a Ga go thuse sepe go tlhola o lopela dilo tsa batho, tsa gago di tla go tlela. b Fa o tsieditswa o tsieditswe, tswelele le botshelo jwa gago c Ga go thuse sepe go lelela selo se o sa ka keng wa tlhola o se bona gape. 4 Ga go itsiwe se se budusitseng talane a Ka lesego dilo di a tle di siame kwa bofelong, le fa di simolotse di tlhobosa. b Batho bangwe ba rata bohitlha mo go maswe c O ithute motho le mekgwa ya gagwe 5 Ntlhomole mmutlwa ga se nkute lonao a Fa motho a utlwile botlhoko, ga go are o mo okeletse botlhoko b Fa motho a adima se sa gago, ga go are a se tseele ruri c Fa motho a go fa sengwe, ga a re o gogorupe gotlhe. 6 Kgomo ga e ke e nnyela boloko jotlhe a Motho ga a ke a ntsha nnete yotlhe b Motho ga ke a bua mafoko ka go a lotolotsa, o tle a fe ba bangwe sebaka sa go ikakanyetsa. c Motho o tshwanetse go nna le dijo mo mmeleng 7 Phokojwe go tshela yo o diretsenyana a Motho o kgongwa ke go itshwarela ka diatla tsa gagwe. b Motho go tshela yo o tlhaga, yo o tsipatsipelang botshelo. c Motho o tshwanetse go iterela le ba lelapa la gagwe. 8 Merogolwane ya tsatsing e kgonwa ke go lela e lebaganye a motho fa a lela o letsa o mongwe b Motho o hutsafala le wa ga bone c Batho ba ba nang le diphapang ba tshwanetse go di nnela fatshe, ba di fedisa. 9 Le pelong ga le tshetse a Motho ga a kake a tshela ka sephiri b Fa motho a na le ngongorego o tshwanetse go e ntsha, gore e se ka ya mo ja mo moweng. c Botlhoko jo bo mo pelong bo kgonwa ke go ntshiwa 10 Dinotshi go loma tse di tsentseng a Fa o gakalela motho a go kopa sengwe, o be o itse gore o tla se mo naya. b Motho o tlhokomela thata bana ba gagwe c Motho yo o buang thata ke yo a fitlhang boammaruri ka mahoko